© %author%

NOPOLO YA PADI: Moletlo wa Manong, ka Sabata-mpho Mokae

0 Shares
0
0
0
0
0

“Nandi o gorogile kwa dikantorong tsa Lefapha la Boitekanelo metsotso e le mmalwa pele ga ura ya borobong. E rile a tsena a gakgamadiwa ke bontsi jwa dijanaga tsa maemo tse di emisitsweng gaufi le dikantoro.”

“Badiredipuso ba amogela madi a mantsi tlhe!” A bua a le nosi.

Go ne go na le tsa maotwana a a gokeletsweng kwa morago, tsa dipeipi tse pedi tse di ntshang mosi kwa morago le tse di bulwang matlhabaphefo le ditswalo beng ba tsona emetse kgakajana le tsona.

Dikantoro tsa lefapha di ne di dikaganyeditswe ke ditlhare le malomo a mebalabala. Bojang bo ne bo le botala, go bonala fa bo nosediwa ka dinako tsotlhe. E ne e re o tsena ka dikantoro, o utlwe mowa o o tsiditsana.

“Dumelang! Ke nna Nandi Mothibi. ke tlile fano go bona rre Kgopodimetsi.”

Kgopodimetsi o ne a lelediwa mogala mme a laela gore mothusi wa gagwe a supetse Nandi gore kantoro ya gagwe e fa kae. E ne e le kantoro e kgolo, e na le malomo a go bonalang a sa tswa go kgetlhiwa kwa tshingwaneng. Go ne go na le setsidifatsi. Mo godimo ga tafole go ne go na le ditshwantsho tsa maloko a lelapa la gagwe; mogatse le bana ba babedi.

“Dumela, mma. Ke solofela fa o tsogile sentle,”Kgopodimetsi a otlolola seatla sa moja go dumedisa Nandi.

“Agee, rra. Ee, ke tsogile sentle. A rre o tsogile sentle?”

“Ee, mma. Tlhabo ya letsatsi re e bone.”

Boitumelo mo sefatlhegong sa ga Kgopodimetsi bo ne ba bakela Nandi go sa iketlang go go rileng. Bo ne ba mo gopotsa phokoje e e matlhajana le boferefere, e a neng a tlhola a tlotlelwa ka yona ke mmaagwemogolo mo dinaaneng fa a ne a sa le ngwana.

“Mme o tlaa rata go nwa eng? Re na le dinotsididi le mogodungwana.”

“Ke tlaa itumelela mogodungwana, rra.”

“Mma, re amogetse kopo ya gago ya tiro, mme e re pele ke ya kgakala ke botse gore a mme ke mogatse Otsile Mothibi wa mmegadikgang?”

“Ee, rra. Ke nyetswe ke Otsile. E le gore mogatsake ena o tsena kae mo kopong ya me ya tiro?”

“O tlaa lemoga fa re ntse re tlotla gore mogatso ke karolo e kgolo ya kopano eno.”

Nandi o ne a gakgamala. “Re tlaa bona teng!”A buela mo pelong.

Go ne ga tsena mosetsana yo mosetlhana yo moleele, a tlisitse mogodungwana. E rile a nyenya, matlho a gagwe a tlala kgalalelo. A motho yo montle! Nandi o ne a gakgamadiwa ke gore mosetsana yo, o ne a sa bitse mongwaagwe a re rre Kgopodimetsi; o ne a mmitsa ka leina la sekgoa la Andrew. E ne e le sengwe se se sa tlwaelegang mo lefelong la tiro. Kgopodimetsi o ne a lemoga gore Nandi o maketse.

“Se makale, mma. Batho ba ba dirang ka fa tlase ga me ba mpitsa ka leina. Le wena fa o ka dira fa, o tlaa feleletsa o mpitsa Andrew.”

Ba ne ba simolola go nwa mogodungwana.

“Mma, lefapha ga le tlhole le na le phatlhatiro e o tsentseng kopo ya yona.”

Nandi o ne a ipotsa gore fa phatlhatiro e sa tlhole e le teng, o bileditswe eng. O ne a simolola go utlwa monkgo wa legotlo le le suleng.

Kgopodimetsi o ne a bolelela Nandi fa e le leloko la mokgatlho o o busang.

“Re utlwile ka ‘tlhokwa la tsela gore mogatso o ntse o batlisisa modusetulo wa rona e bile o tshwere ditokomane tse di bonweng le go gatisiwa ka bokhukhuntshwane. A o itse sengwe mabapi le se ke buang ka sona?”

Nandi o ne a bona gore dilo ga di tsamae jaaka go tshwanetse; a batla a fela pelo. O ne a batla go itse gore ena o tsena jang mo tirong ya ga Otsile le gore kopano ya gagwe le Kgopodimetsi e amana jang le dipatlisiso tse di dirwang ke mogatse.

Kgopodimetsi o ne a mo kopa go se bolelele ope ka ga puisano ya bona. Nandi a dumela fela le fa letswalo la gagwe le ne le sa mo fe kagiso.

“Mma, ke filwe taelo ya go tlhola phatlhatiro e e seyong mo lefapheng. Fa o ka dirisana le rona, phatlhatiro eo ke ya gago. Kana ke bua ka maemo a a kwa godimo thata mo lefapheng. Jaanong ke kopa gore nna le wena re utlwane; o tlhaloganya sentle gore puo ya me e lebile kae!”Kgopodimetsi a leka go tlhalosa, mme Nandi a mo kopa gore a tlogele go dirisa puo e e bofitlha, a bue puophaa.

“Rra, ga ke batle go inaganela le go swetsa gore o batla go reng. Ke kopa gore o tlhalose maikaelelo a gago sentle.”

Kgopodimetsi o ne a lemoga gore Nandi ga se mofologelo o a neng a o solofetse.

“Kopo ya rona ke gore mogatso a emise ka dipatlisiso tse a tshwaraganeng le tsona. Re batla le gore a re busetse dikgatiso tsotlhe tsa ditokomane tse a nang le tsona. Ke solofela fa o ntlhaloganya jaanong.”

Nandi o ne a gagamatsa molala. “E le gore a rre o ne a ka se ke a ya kwa go Otsile mme a mo itheela? Le gona, golo fa o bua ka wena le mang kgotsa le bomang?”

Kgopodimetsi o ne a mmolelela gore maina a batho a ka mo tsenya ka kgoro ya kgolegelo, ka jalo ga a na go bua gore ba bangwe ke bomang le fa a tlhalositse kwa tshimologong gore ke leloko la mokgatlho o o busang.

“Mma, ke go bileditse kwano gore re tle go buisana. Fa o dumela go buisana le mogatso, maemo a ke ntseng ke bua ka ona ke a gago gona fela jaanong.”

Nandi o ne a kopa go bolelelwa ka ga maemo a go buiwang ka ona.

“Mma, tuelo ya kgwedi le kgwedi e ka nna dikete di le masome a matlhano a diranta. Tota nna fa ke ne ke le wena, ke ne ke se na go tlogela tšhono e e kalo e mpheta. Ga se tšhono e motho o e bonang ‘tsatsi le letsatsi.”

“Ke a go utlwa, rra. Fela ke sa ntse ke batla go itse gore ke tiro e e ntseng jang e o buang ka yona,”Nandi a bua a menne phatla, a tlhomile Kgopodimetsi matlho.

“Mma, ke maemo a botsamaisi. Jaaka ke go boleletse gore ke laetswe go tlhola phatlhatiro eo, fa o sena go e amogela, nna le wena re tlaa tsaya tshwetso ya gore o tlaa dira tiro ya mofuta mang. Tiro eo e tshwanetse e tsamaelane le kitso le maitemogelo a gago jaaka mmamelemo.”

Nandi o ne a bona fela gore golo fa o tlile go tsena mo seraing, fa a sa se kakologe go sa ntse go le gale.

“Rra, nte ke ye go ikakanya pele. Ke tlaa boela mo go wena morago ga malatsi a le mmalwa.”

“Se re diegele, mma. O nne o itse gore nako ga e lete ope.”

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.

You May Also Like
© %author%

Quiet

Gardening is spiritual. Practical. Life giving. Cuts the shopping bill in half and gets your hands into the…
Read More
© %author%

Maya

Pink elastic squeezed her nine-year-old feet into uncomfortable old lady wrinkles. The pumps were meant to be ‘flesh’…
Read More

Notice: Trying to access array offset on value of type bool in /home/bkomag/public_html/wp-content/plugins/credit-tracker/credit-tracker-shortcodes.php on line 226

Notice: Trying to access array offset on value of type null in /home/bkomag/public_html/wp-content/plugins/credit-tracker/credit-tracker-shortcodes.php on line 226

Notice: Trying to access array offset on value of type bool in /home/bkomag/public_html/wp-content/plugins/credit-tracker/credit-tracker-shortcodes.php on line 227

Notice: Trying to access array offset on value of type null in /home/bkomag/public_html/wp-content/plugins/credit-tracker/credit-tracker-shortcodes.php on line 227
© %author%

EXCERPT: Moletlo wa Manong, ka Sabata-mpho Mokae

Nandi o gorogile kwa dikantorong tsa Lefapha la Boitekanelo metsotso e le mmalwa pele ga ura ya borobong.…
Read More